Setswana Tota Mophato wa 8 Buka ya go Buisa Cover

Setswana Tota Mophato wa 8 Buka ya go Buisa



Author : K. R. Mokua, S. Metsileng
Hardcopy ISBN : 9781775880332
Stock : 1054 units
Ebook ISBN : 9780796047458

Buka ya Setswana Tota Mophato wa 7-9, ke nngwe ya dibuka tsa motseletsele wa dibuka tsa Setswana Puo ya Gae. Setswana Tota e na le dikarolo tse di latelang: Buka ya Barutwana, Buka ya go Buisa le Kaedi ya Morutabana. Dibuka tse di tshotse tse di latelang: Go bonolo go dirisa dibuka tse ka gonne kagego le tsamaiso ya tsona e latelega bonolo, mme di ikamaganya le Pegelo ya Pholisi ya Bosetshaba ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo. Motseletsele o wa dibuka o kwadilwe ke barutbana ba ba nang le maitemogelo le baitseanape ba kharikhulamo. Buka ya barutwana ya Setswana Tota e thusa barutwana ka tse di latelang: • E tlhalosa ka tsenelelo bokgoni mo kharikhulamong ya puo jaaka, go reetsa le go bua, go buisa le go lebelela, go kwala le go tlhagisa. Popego ya puo le melawana ya tiriso di lomagantswe mo dikarolong tsotlhe tsa puo. • Ditiro tse di filweng barutwana di ba thusa go tlhaloganya le go nna le kitso e e tseneletseng ya go kwala dikgangkhutshwe, diathikele tsa makwalodikgang, go buisa le go tlhaloganya ditshwantsho le dikhathuni le tse dingwe. • Kgweditharo ya bone e na le ditlhatlhobo tse di thusang barutwana gi ipaakanyetsa tlhatlhobo ya bofelo jwa ngwaga le go ba sedimosa ka dipotso tse ba ka di solofelang le gore ba ka di araba jang. • Barutwana ba sedimoswa ka go ithuta dikwalo gore ba tie ba kgone go tlhaloganya le go sekaseka dikwalo tsotlhe tse ba di tlhaoletsweng mo mophatong wa 7-9. Kaedi ya Morutabana E na le diteng tse di tlhaloganyegang tsa kgweditharo nngwe le nngwe. E naya morutabana tshedimoso e e tseneletseng ka kharilhulamo le go mo kaela go dirisa buka ya morutabana ka iketlo. E kaela morutabana ka ditiro tsa tlhatlhobo le go thusa barutwana ba ba nang le bokoa. Kgweditharo nngwe le nngwe e na le ditiro tsa tlhatlhobo le dimemorantamo tsa tsona. Buka ya go Buisa E tletse ka dikgang tse di monate tse di amang matshelo a barutwana. Buka e e akaretsa dikwalo tse di farologaneng jaaka: • Poko • Dikgangkhutshwe • Dinaane le • Terama. Mo bofelong jwa sekwalwa sengwe le sengwe go na le dipotso tse di thusang morutwana go gakologelwa se a se buisitseng.

Purchase Options


Ebook File Size : 2.75