Setswana Tota Mophato wa 12 Kaedi ya Morutabana
ISBN 9781775880417
Prices include 15% VAT. Have a voucher? Apply it at checkout.
Orders over R400 qualify for free shipping in South Africa.
Added to your cart.
View cartBuka ya Setswana Tota Mophato wa 12, ke nngwe ya dibuka tsa motseletsele wa dibuka tsa Setswana Puo ya Gae. Setswana Tota e na le dikarolo tse di latelang: Buka ya Barutwana le Kaedi ya Morutabana. Dibuka tse di tshotse tse di latelang: Go bonolo go dirisa dibuka tse ka gonne kagego le tsamaiso ya tsona e latelega bonolo, mme di ikamaganya le Pegelo ya Pholisi ya Bosetshaba ya Kharikhulamo le Tlhatlhobo. Motseletsele o wa dibuka o kwadilwe ke barutbana ba ba nang le maitemogelo le baitseanape ba kharikhulamo. Buka ya barutwana ya Setswana Tota e thusa barutwana ka tse di latelang: • E tlhalosa ka tsenelelo bokgoni mo kharikhulamong ya puo jaaka, go reetsa le go bua, go buisa le go lebelela, go kwala le go tlhagisa. Popego ya puo le melawana ya tiriso di lomagantswe mo dikarolong tsotlhe tsa puo. • Ditiro tse di filweng barutwana di ba thusa go tlhaloganya le go nna le kitso e e tseneletseng ya go kwala dikgangkhutshwe, diathikele tsa makwalodikgang, go buisa le go tlhaloganya ditshwantsho le dikhathuni le tse dingwe. • Kgweditharo ya bone e na le ditlhatlhobo tse di thusang barutwana gi ipaakanyetsa tlhatlhobo ya bofelo jwa ngwaga le go ba sedimosa ka dipotso tse ba ka di solofelang le gore ba ka di araba jang. • Barutwana ba sedimoswa ka go ithuta dikwalo gore ba tie ba kgone go tlhaloganya le go sekaseka dikwalo tsotlhe tse ba di tlhaoletsweng mo mophatong wa 12. Kaedi ya Morutabana E na le diteng tse di tlhaloganyegang tsa kgweditharo nngwe le nngwe. E naya morutabana tshedimoso e e tseneletseng ka kharilhulamo le go mo kaela go dirisa buka ya morutabana ka iketlo. E kaela morutabana ka ditiro tsa tlhatlhobo le go thusa barutwana ba ba nang le bokoa. Kgweditharo nngwe le nngwe e na le ditiro tsa tlhatlhobo le dimemorantamo tsa tsona.
- Grade
- Grade 12
- Language
- Setswana
- Format
- Paperback · E-book
- Subject
- Language
- Grade
- Grade 12
- Language
- Setswana
- Print ISBN
- 9781775880417
- Stock
- 112 units
- E-book ISBN
- 9780796045812
- E-book size
- 1.47 MB
About e-books
- E-books are read in the eduReader app, available on all major platforms.
- E-books cannot be printed.
- Buying several e-book licences gives you vouchers that other accounts can redeem.
There are no teacher resources for this title yet. Need something for your classroom? Contact us.